Idle - Matlho

Verse 1

Matlho moeletsi wa dipono
A eleditse dipono tsa go khgatlhisa
Di kgatlhile pelo ya go rathagana ka sekota
E wetse nageng tsa go botha
Hale ko mabothong re lebile basadi
Go fetile o mo leele wa go besa pelo
Ga feta o mokhutshwane wa go okola pelo
A rogilwe ke yo mmele monnye
A tonolwa ke yo o matshwaro
Tadi-tadi, a tadintse o bopegileng marago
E tle ere a leba a tlotle le pelo

Verse 2

Ditlotlo tsa matlho le pelo
Di bua ka sebopego, popego ya mahatlha
A timeletse tlase ga seledu felo la go kgatlha
Ke ao a tlhogile diatla, dilo tsa go patla-patla
Thotobolong ya menagano kea batla-batla
Kana ke ipeetse lekgoanyana
Ke le somile ka fa tlase ga lentariana
Batho ba rokwa, khonou, basetlhana
Selo se tlhaloganyo potomente ya tshetsana
E tle ke nyeye jaaka monna wa setseno
Selo se matlho seapola motho seipatlela matseno


Verse 3

Matlho a tsupile molomo a roga moji
Pounama tsa moji, moji o atla motho
O jang o roga o mongwe selo se puo ya rialo
A tsomile motho, ke yoo o moshampa batla mealo
Dikgolokwe dikima, ditshesane
Sedirisiwa sa go shakgatsa kgalogo
E re go bona a galale a batle tshenolo
A batle go bona monwana a bone lerago
Dikgolokwe dilo tsa metlae dilo tsa dithago
Gatwe a bonwe golo gongwe a rogana
A tsere mole, a tsaa mole ga tlhakana

Comments

  • ×