Idle - Sebe

Hook
It tastes so good
Almost like a sin
Now, that we seen
How you sin
Can we sin together?
And be seen together

Verse 1
Bokgabane jwa mophuthelo wa sebe
Tloloko e thibanyang tsebe
Re arametse wa dibi re gonya
Tswine ga e fele rea kalotse lebala ka go bonya
Re fapaana re sunana jaaka ditshoswane
Gare ga meno a nku re kopane
Mogologolo a re a tswa thobeng a sena selabe
Bagami ba tshotswe naso ba na le seabe
Mantlenyane a lefatshe ke peba re manong
E leng dijo kgang ke go kabela re tlatse ganong
Bo kgano ba epa mesima mmogo
Tsisa sone seatla re tshwarane mabogo
Hook
It tastes so good
Almost like a sin
Now, that we seen
How you sin
Can we sin together?
And be seen together

Verse 2
Bagotsi ba molelo ga ba tshabe dipala
Bo sa o tshabeng ba felele kgakala
Tsela e betlwa ke ba nang le tebelopele
Ditsietsi le tlhako ya pele di fetile
A re betle sebe re sedile maikotlhao
Taola taelo ya temo ya maikutlo molao
Tumalano bobeding re itsukula re jeleng
Letlepu go tletseng thapelo ke go ya bosakhutleng
Bodilo bo alwang dibeng nako e nngwe boitumelo
Tsisa lone lepai dinaledi ke borulelo
Bo thaga ba ja mabele mmogo
Tsisa sone seatla re tshwarane mabogo

Comments

  • ×